Re bo mang mme re dira eng

Read in English

 

Bokaelo jwa Dipuo jwa NWU ke karolo ya ditirelo tsa kemonokeng e e fanang ka mefuta ya ditirelo tsa dipuo mo Yunibesiting: ditogamaano tsa dipuo (maikemisetso le tlhomelo), go fetola, go toloka, go okamela makwalo, go gakolola ka ga dipuo, le go tlhokomela dipuo.  Godimo ga moo, Bokaelo bo dira patlisiso mo go ka tlhokegang teng mo ditirelong tsa teng.
 
Ditirelo tsa rona di fiwa dikarolo tsa yunibesiti tsa kemonokeng le gape tsa go ruta le go ithuta le ditikologo tse dingwe tsa botshelo jwa moithuti. Gape re tsaya karolo go tlhofofatsa tiriso ya dipuo, thata go toloka mo setšhabeng.

Maikemisetso a rona a mofuta ka nosi

Ka go lebagana le maikemisetso a rona a bopuontsi, re leka go oketsa maemo a akatemi a dipuo tsa Aforika tse di bonalang thata mo ditikologong tsa dikhamphase tsa rona mme thata tse ke Setswana le Sesotho. Re dira se gape mme re tswelela le go tshegetsa Seesimane le Seaforikanse tse gone jaanong di leng dipuo tsa dithuto. Maikemisetso a rona a bopuontsi ka jalo ke popego ya koketso, mo re oketsang dipuo tsa go ruta mo godimo ga tse ka tlwaelo di ntseng di le teng mme di dirisiwa mo dikhamphaseng tsa rona.
 
Go kgona go fitlhelela maikaelelo a a bopuontsi, re tla dirisa metswedi yotlhe ya dipuo e e leng teng go dirisiwa ke badirammogo le baithuti, ba bone ba nnang le dipuo tse di farologaneng tse ba tlang ka tsone. Maikaelelo a ga bofelo ke gore re fitlhelela ka bobedi, go oketsa botseno mo NWU le go tokafatsa go ruta le go ithuta.
Se re ka se fitlhelela ka go oketsa maitemogelo a moithuti, mme go akaretswa kamogelo ya puo e nngwe kgotsa e nngwe e baithuti kgotsa batlhatlheledi ba tlang ka yone mo Yunibesiting.
 
Go ka netefatsa se re tla tswelela go dirisa mekgwa e e latelang ya go ruta: puo e le nngwe (Seesimane, Seaforikanse le Sesotho), dipuo tse di bapileng, dipuo tse pedi mmogo le go toloka mo dithutong.  Gape re tla dirisa le mokgwa wa bopuontsimmogo mo phaposing go tloga ka 2020. Go tlhofofatsa dipuo go tlabo go diriwa ka mekgwa e e farologaneng, mo go akaretsang metswedi ya dikaedi tsa go ithuta ka bopuontsi le go tlhofofatsa ga bopuontsi ke balekane, go toloka mo dithutong , dibidio tsa bopuontsi tsa dithuto le tsa batlhatlheledi le ka mekgwa e mengwe ya thekenoloji. 

Maikaelelo a rona a bofelo

 
Kwa bofelong badirammogo ba rona ba tla kgona go dira ka mokgwa wa bopuontsi go feta le fa baithuti ba rona ba kgontshiwa go kgona le go tlhaloganya le go tshola diteng tsa go rutwa le go ithuta botoka go feta - mme ba kgona go dira jalo ka go dirisa palo ya dipuo. Ka jalo ba tlabo bo baakantswe go feta go kgona go direla mo tikologong ya tiro ya bopuontsi.

 

Kaedi ya Mekgwa ya NWU


Ikgolaganye le rona

Johan Blaauw (Director)
+27 (0)18 299 4700
Johan Zerwick (Ombudsperson)
+27 (0)18 299 4704
Basil Rabie (Educational interpreting matters)
+27 (0)18 299 2756
Willie Cloete (translation and editing)
willie.cloete@nwu.ac.za